MINISTRY OF EDUCATION AND
SKILLS DEVELOPMENT
NATIONAL MOCK EXAMINATION 2024
REPUBLIC OF BOTSWANA
SETSWANA
MOPHATO WA BOTLHANO PAMPIRI YA BORARO
NAKO: 2 HOURS 30 MIN MATSHWAO: 65
ELA TLHOKO:
1. Pampiri e, e na le dikarolo di le tharo. Araba potso e le NNGWE go
tswa mo karolong nngwe le nngwe.
2. Araba dipotso tsotlhe ka Setswana se se lolameng.
3. Simololela karabo nngwe le nngwe mo tsebeng e ntšha.
4. Kwala palo ya potso e o e arabang fa gare ga tsela e seng
kwa tshimologong ya yone.
Ela tlhoko:
(i) Pampiri e, e na le dikarolo di le THARO. Araba potso e le NNGWE
fela go tswa mo karolong nngwe le nngwe
(ii) Araba ka Setswana se se lolameng.
(iii) Simololela Karabo nngwe le nngwe mo tsebeng e ntšha.
(iv) Kwala palo ya potso e o e arabang fa gare ga tsela e seng kwa
tshimologong ya yone.
KAROLO YA NTLHA
O gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane (40min) mo
karolong e.
Araba potso e le NNGWE fela go tswa mo karolong e. Karabo ya gago e
nne mafoko a a fa gare ga 250 le 350.
POTSO 1
L.D. Raditladi: Motswasele II
A mokwadi o kgonne go fetola botho jwa ga Kgosi Motswasele? [25]
KGOTSA
POTSO 2
M.P. Banabotlhe: Letlapa le le bolele
Sekaseka botshelo jwa gago o le Tlhoriso nako ya fa o atlholelwa go thuba
lelwapa la ga Khutsafalo, o bo o bua le bomme ba ba ka dirang jaaka o dirile.
[25]
KGOTSA
POTSO 3
O. Matlapeng: Phuduhudu ga e tlhatlhelwe
Tlhalosa ka botlalo thuto e mokwadi a e abelanang le babadi. [25]
KGOTSA
POTSO 4
P.T.M. Marope: Ngwana o anywa mmaagwe a sule
Sekaseka thulaganyo ya ditiragalo tsa padi e, o remeletse mo go se se di
bakileng, marara, tharabololo ya marara, ka fa di fologetseng ka teng le
phelelo ya tsone. [25]
2
KAROLO YA BOBEDI
O gakololwa go tsaya oura le metsotso e le lesome (1hr 10min) mo
karolong e.
Bala palo e, o bo o araba potso e le NNGWE mo go tse pedi tse di e
latelang.
1. Kgwedi ya Ferikgong e ne e le malatsi a le lesome le borataro fa dikole di
bulwa. E ne e le letsatsi le ka lone bosetlabošane ba neng ba kgabile, ba
bangwe ba lela ba batla go boela kwa malwapeng, go tobekane go le
thata. Fa barutabana ba ntse ba tsweletse ba kwadisa bana, Amantle le
ene a goroga.
2. Ruri go golela mo dikgweng go siame mme fela go dira gore ka dinako tse
dingwe fa motho a tsena fa go nang le batho ba le bantsi teng, a nne e
kete ke sematla. Amantle fa a goroga kwa sekoleng o ne a apere hempe
ya kaki le borokgwe jo bontsho, kwa maotong a rwele mpeetšhane wa
phatla ya kgomo. Baki o ne a gogile ya ga rraagwe gotwe o tla gola ka
yone. Barutabana ba ne ba gakgamadiwa ke monna yo o kana ka Amantle
gotwe o tlile go bala mophato wa ntlha. Mosimane yo, e ne e le letlharapa,
a katogile monyo. Seriri e le sa mosimane wa moraka thoo!
3. Amantle le ene, o ne a itemoga gore ke monnamogolo fa gare ga bana
mme a fetsa mogopolo gore ga a kitla a swabisa rraagwe, o tlile go itshoka.
Go simolola sekole o godile, ka nako nngwe go a thusa gonne
maitemogelo a bogolo le one a na le seabe mo thutong. E rile fa dithuto di
simolola, Amantle a itshupa se a leng sone. A dira dikgakgamatso
Mosimane-wa-moraka ga ba ga itshupa gore lefatshe le batlile le
latlhegelwa ke senatla fa a ka bo a sa tla sekoleng.
4. Fa dikgwedi tsa ntlha tse tharo di wela, morutabana Theledi a kopa gore
Amantle a fetisediwe kwa mophatong wa bobedi ka gobane o ne a dira
dikgakgamatso mo dithutong tsa gagwe. Gaopalelwe, rraagwe Amantle, fa
a utlwa tse morwae a di dirang, a itumela a ba a rorisa Mmopi. Mogatse
ene, o ne a dumela gore go senngwa madi fela ka thuto. Fa ngwaga o
wela, Amantle ke fa a feditse mophato wa bobedi. E rile fa a tsena mo
mophatong wa boraro mosimane wa moraka, a gakala le go feta. Go
tsweng mo mophatong wa boraro, Amantle a tlodisiwa mophato gape a ya
go dira mophato wa botlhano. A tswelela fela jalo morwa Gaopalelwe, a ba
a fitlha mo mophatong wa materiki. Fa a le mo mophatong wa materiki,
sekole sa bone sa tsenelela kgaisano ya thuto ya Maranyane. O ne a
ikana gore o tlile go gapa sekgele.
5. Letsatsi la kgaisano ya Maranyane le ne la tlhaba le se na mahube.
Bangwe ba baithuti ba tla sekoleng ba itshasitse melemo, bangwe ba
arameditswe mesunkwane gore ba tle ba gape sekgele gonne yo o neng a
tla fenya o ne a tla romelwa ke ba Lephata la Thuto kwa Ennyelane. E rile
ka sethoboloko, tadi e amusa, baithuti botlhe ba materiki ba bilediwa mo
3
phaposing e e neng e baakanyeditswe tlhatlhobo ya kgaisano ya
Maranyane. Ba oba ditlhogo ba lwa le tsone, ba leka go rarabolola
mathaithai a Maranyane. Ba tswa ka bongwe ka bongwe mo phaposing ga
sala Amantle le molebeledi. A kwala Mosimane-wa-dikgomo a ba a
boelela dikarabo tsa gagwe go tsoma diphoso mo go tsone ka leitlho le le
ntšhotšho.
6. Maina a bafenyi a romelwa kwa seromamoweng go gasiwa. E ne e le oura
ya bosupa fa Gaopalelwe a bulela seromamowa go reetsa dikgang. A
utlwa mogasi a bega bafenyi ba kgaisano ya Maranyane mme e bile go
bolelwa gore e tla re morago ga dikgwedi tse pedi ba romelwe kwa
lefatsheng la Ennyelane sebaka sa kgwedi.
7. Morago ga dikgang, Gaopalelwe a tima seromamowa mme a kopa botlhe
mo ntlung gore ba ye ka mangole fa fatshe ba rapele. O ne a
kgakgamolola dithaba ka thapelo. E ne e ka nna oura ya lesome le
bongwe fa Gaopalelwe a goroga kwa sekoleng. Fa a goroga, bana
bangwe ba ne ba gakgametse gore ke mang ka go bo o ne a sa apara ka
mokgwa o o tlwaelesegileng. O ne a apere baki e a neng a e ithoketse ka
matlalo a bophokoje. Go ne go le thata go ka itse mmala wa borokgwe jwa
gagwe gonne bo ne bo setse bo na le dibata tse dintsi. Mogokgo o ne a
mo amogela ka maitseo le botho mme a mo tlhalosetsa ka loeto lwa ga
Amantle.
8. Gaopalelwe o ne a akgola morwae a ba a omelela legano. O ne a mo
rotloetsa gore a tshware ka thata a se ka a repisa. Go tswa kwa sekoleng,
Gaopalelwe a leba kwa go mong wa gagwe e bong Tekonyana go ya go
mo lotlegela ka tse dintle tse Amantle a di dirileng le go mo kopa go mo
rebola go ya kwa moletlong wa gagwe wa tsamaya-sentle. Fa a tsena kwa
ga Tekonyana, o ne a dumedisiwa ke monko o o monate wa nama ya nku
e mogatsa Tekonyana a neng a e apeile. Gaopalelwe ka a ne a itse
mogatsa Tekonyana e le motho yo o neng a na le tumelo ya gore fa
modisa a ka tsholelwa dimonate o ka lebala maemo a gagwe, a itse gore o
tlile go ja one monko oo fela.
9. Gaopalelwe o ne a metsa mathe a ba a iphitlhela a rile, “Tlhe mma ruri
nama ya gago e nkga monate.”
“Ga ke re lona le natefelelwa ke dinama tsa boramošhwe kwa nageng kwa.”
“Mma, ke kopa go bona Rre Tekonyana pele ga ke ka boela kwa morakeng.”
10. “Dumela motho yo montle. A o re gopotse gompieno?” Tekonyana a bua a
tshwara Gaopalelwe ka seatla. Le fa Tekonyana e ne e le seijesi, e ne e re
a bua ka dikgomo tsa gagwe a bo a re dikgomo tsa gaabo Gaopalelwe. O
ne a tlotla badisa gonne ba mo dirile se a leng sone. Maitseo a ga
Tekonyana a ne a farologane gotlhelele le a ga mogatse. Ka mogatse o ne
a tsholetswe mo lelwapeng la bodidi ka jalo a tlhakanngwa tlhogo ke
khumo ya ga Tekonyana. O ne a le lonyatso mo bathong ka o ne a
ikutlwisa go tshela jaaka motho.
4
11. Gaopalelwe o ne a ikoba fa pele ga mong wa gagwe a ba a mmolelela ka
mosepele wa ga Amantle le gore o a ikopa ene le mohumagadi wa gagwe
go ya go felegetsa sekgantshwane sa bone. Pele Tekonyana a ka
anaanela mafoko a ga Gaopalelwe, mogatse a bo a setse a iphagile
dikoro, a sonya nko ya bo e kete o nkgelwa ke maswe. “Gaopalelwe, go
reng lo tsenya ngwana sekole? A ga o bone gore o a tsofala? Ngwana yo
kana o tshwanetse gore fa o simolola go palelwa, a tle go go thusa go disa.
Rraagwe Phure, o se ka wa ba wa dumela ditsiabadimo tseo.”
12. “Nnyaa mogatsaka, re fe sebaka sa go bua. Kana Gaopalelwe o tlile kwa
go nna. Se mo utlwise botlhoko.” Tekonyana a rebola Gaopalelwe le
mogatse go ya moletlong mme a ba gakolola go boa ka bonako gonne
magodu a gaketse. Fa Gaopalelwe a sena go tswa mo ga Tekonyana,
mogatse a ntsha mosi ka sekhurumelo. “Heela rraagwe Phure! Go reng o
kgatlha motlhanka ka nna? A ga o itse gore fa a fetsa dithuto tsa gagwe o
tlile go kgelosa rraagwe mo tirong.”
“Nnyaa mogatsaka ga go buiwe jalo.”
13. Ka oura ya borataro, sefofane sa BA 54 sa begwa fa se le gaufi le go
emelela mme bapalami ba laelwa go tsaya maemo a bone. Fa kgwedi e
fela, Amantle a boela gae go ya go simolola dithuto tsa gagwe tsa
bongaka kwa Yunibesithi. A tswelela jalo ka mokgwa o le mongwe a bo a
feletsa a fentse, a apere purapura ya bongaka. Se, se ne sa itumedisa
batsadi ka go bo ba kgonne go fitlhelela ditoro tsa bone. Gompieno re bua
jaana Amantle a nyetse mosadi wa pelo e ntle, ba agile ntlo e tona, ba na
le bana ba tlhokomelwa ke bonkuku-a-bone.
Motswedi: Phitlhelelo kwa setlhoeng, J. Malao [ E fetotswe fale le fale]
POTSO 5
Tlhalosa seabe sa ga Amantle mo tsweledisong ya ditiragalo. [25]
KGOTSA
POTSO 6
Maikutlo a mokwadi ke afe, mabapi le bana ba ba dirang ka natal? [25]
5
KAROLO YA BORARO
O gakololwa go tsaya metsotso e le masome a mane (40min) mo
karolong e.
Sekaseka leboko le le latelang ka kelotlhoko mme morago, o bo o araba
potso e le NNGWE go tswa mo go lone. O gakololwa go dirisa mafoko a
a fa gare ga 200 le 300 mo karabong ya gago.
BOGADI
Tshwenyana ke bua fela ke sotlha mafoko
Ke sotlha mafoko boatla jono bo twatwaetse
Ngwao ya borre e faletse ke bosetlabošeng
Ngwao ya borre e ile go ya, ba re bogadi theko!
Ke gana nnang le khubu ke ka e itshwara
Le khubu ke ka e itshwara bogadi ga se theko
Ntlha baša ruri lo ntsha bagolo lenyololo
Lo itshedisa dibi boammaaruri jone lo bo itse.
Bogadi ngwao, ke kgolagano ya bobedi
Mosadi o sa tswelwang ke dikgomo mosetsana
Bogadi thebolo ya mosadi ka ba `abo go boora-mosimane
Mosadi o tswetsweng ke dikgomo o kama jaaka phikoko.
Ka seša bogadi theko ya mosadi go ketekwa
Molelo o o ora a kotame a dujwa seborotho
Manyebi a teng malwapeng a diragala motshegare le penne
`kiteo di tlaleletswa ka “kgomo tsa ga rre di kwa gaeno.”
Sekajeno bogadi ke papadi go boora-mosadi
Pele e ne e le tshipi e le letshwao, bo se kae fela!
Lenyalo le ne le bewa tshipi e le bogadi
Segompieno ke kgwebo go batlwa masome a dikgomo.
6
A me mafoko mannye fela lo a utlwile betsho
Go buile ba maloba kana ba itse puo ke ya bone
Kana ba rile, “o sa leleng o swela tharing” Batswana
Tiriso ya bogadi gompieno, boatla! E bo senya bokao betsho.
Motswedi: [Le tserwe ka go fetolwa fale le fale mo bukeng ya ga M.R.T
Makgeng, Ditswaganong tsa borre.]
POTSO 7
Tlhalosa se mmoki a buang ka sone mo lebokong le. Dirisa dikinolo le
dikapuo tse di lebaneng go nonotsha karabo ya gago. [15]
KGOTSA
POTSO 8
Tlhalosa molaetsa o o tlhagisiwang mo lebokong le. Nonotsha
karabo ya gago ka dikinolo tse di lebaneng. [15]